Main Page

Go tswa ko Wikipedia
Jump to navigation Jump to search
Wikipedia-logo-v2-200px-transparent.png

Wikipedia ya Setswana

Phatwe 14, 2022 wikipedia ya setswana

Wikipedia ya Setswana e nale ditsebe di le 776, le wena o kgona go kwala.

Pego ya letsatsi

Setshwantsho sa motse wa maun se se tserweng ke motho a le mo sefofaneng
Setshwantsho sa motse wa maun se se tserweng ke motho a le mo sefofaneng

Maun ke toropo ya botlhano mo ditoropong tse di kgolo tse di mo Botswana Jaaka ka ngwaga wa 2001 e ne e na le palo ya batho bale dikete di le masome a mane le boraro le makgolo a supa le masome a supa le borataro. Ke motse wa sebobego se se tswakangtsweng jaaka o na le dikago tsa sesa le tsa setswana. Maun ke lefelo la konokono la bojanala jwa Botswana le baokamedi ba legare la kgaolo ya Ngamiland Gape ke tlhogo ya makalana a le mantsi a safari le difofane a a rulaganyetsang mesepele go ya Okavango Delta.

Le fa e le motse, Maun o tlhabologile ka bofefo go tsweng toropo seka kgaolo gape o gola go bapisa noka ya Thamalakane. O na le marekisetso, dihotele le dilodge ga mmogo le pheriso ya dikoloi, le fa a setse a tshwere tebego ya kgaolo gape barui ba motse ba tswelela ba tisa dikgomo mo Maun go direkisa. Batho ba Maun thata ba agile go tsamaela mo matshitshing a a ikadileng a noka ya Tlhamalakane kwa o kgonang go bona matswee a fula le ditonki, dipudi ga mmogo le dikgomo.Maun o sekgele se se dikhilomethara tse di masome a mararo le motse wa Toteng.

Go tsweng go tlhamiweng ga Maun ka 1915 jaaka e le motse mogolo wa Batawana o tlwaelesegile thata ka botshelo jwa dikgwa tsa borwa tsa toropo tse di thusang mo thuo ya dikgomo le ditiragalo tsa letsomo. Lefa go ntse jalo, kgolo ya madirelo a bojanala le go fetswa ga tsela ya sekonotere e e kopanyang Maun le Nata ka dingwaga tsa bo 1990, Maun o godile fela thata a latlhegelwa ke tebego ya segologolo. Ke motse wa batho ba ba feta dikete dile masome a mararo.

Mo bo gompieno Maun ke toropo e e golang ya bojanala,e etseging thata ka ditoki tse di gobeyang mo mebileng ga mmogo le dipudi tse di seng kalo kalo. Diphologolo tse o ka di bona di eme eme mo tikologong ya toropo jaaka barui ba motse ba goroga ka dipalo tse di kwa go dimo ka dipalamo tsa setshaba go tla go rekisa dithoto tsa bone fa tlhoko ga ditsela kgotsa mo ditseleng. Bala e feletse

O ntse o itse ...

  • ...gore BotswanaPost e butse lefelo la Ditso la Philatelic Museum mo Botswana?
    Philatelic Museum
  • ... gore lefstahe la Botswana le butse Mmadikolo yo o itebagantseng le tsa maranyane le dithaeletsanyo yo o bitswang Botswana University of Science and Technology?
  • ...gore go nale lefelo le le bitswang Mmokolodi Nature Reserve mo toropokgolo Gaborone la itloso bodutu?
  • ...gore thaba ya Kgale hill e e mo Gaborone e bitswa "The Sleeping Giant" mme ebile e le yone e tona gape?
  • Dikgang

    Bana ba sekolo kwa Kapa
    Bana ba sekolo kwa Kapa

    Thuto mo Aforika Borwa e laolwa ke mafapha a mabedi a setshaba, e leng lefapha la thuto motheo the department of Basic Education,  le  le lebaganeng le dikolo tsa thuto motheo le tsa sekondari, le lefapha la thutokgolo le thupiso the department of Higher Education and Training, le le lebaganeng le dithuto tsa kwa godimo le tsa vocation.  Pele ga 2009, mafapha a mabedi a, a ne a emetswe ke lefapha le le lengwe la e leng Department of Education.

    Lefapha la thuto la DBE le tshwaragane le dikolo tsa setshabe, tsa poraebete, tseo di bitswang ke lefapha la thuto gore ke tse di ikemetseng,  disenthara tsa setcheng tsa tsweletsopele ya bana, le dikolo tsa bana ba ba nang le ditlhokego tse kgethegileng. Dikolo tsa setshaba le tsa poraebete di bitswa dikolo tse di tlwaelegileng, ke 97% ya dikolo tsa Aforika Borwa.

    Lefapha la DHET le tshwaragane le dikholetshe tsa tsweletso thuto le tlhapetso, disenthara tsa thuto ya bagolo tsa motheo letlhapetso, le ditheo tsa thutokgolo.

    Diprobense tse robongwe mo Aforika Borwa le tsona di na le mafapha a tsona a thuto a a tshwaraganeng le go tsenya tirong melawana-theo ya lefapha la setshaba, etswe gape  ba tshwaragane le ditlhoko dingwe tsa sedika. Bala di feletse

    Senepe sa letsatsi

    Senepe sa tsatsi leno
    Rondawels, Motse Lodge.jpg

    Kanye ke motse-setoropo oo kwa borwa jwa lefatshe la Botswana. E okametse tsa botsamaise jwa kgaolo ya Borwa. Kanye ke nngwe ya mafelo a magologolo a matona mo Botswana go tloga ka ngwaga wa 1853. Ke motse-mogolo wa morafe wa Bangwaketse o kgosi ya one eleng Kgosi Malope wa bobedi yo o e leng morwa Kgosi Seepapitso wa bone. Kanye o tlholegile e le motse wa Bangwaketse, o e leng mongwe wa merafe e metona mo Botswana. O mo kgalong ya lefatshe la Botswana e e tletseng dithaba. O dikaganyeditswe ke motse wa Moshupa, toropo ya Lobatse, le ya Jwaneng. Go ya teng o tsaya metsotso e le masome a mane le botlhano go tswa mo Gaborone, o e leng toropo-kgolo ya Botswana.

    Mafelo a thuso mo Wikipedia

    • Ntlo ya tee – Lefelo le le botsalano le o ka botsang dipotso ka go baakanya le go fetola Wikipedia.
    • Matseno - Matseno a Wikipedia ya Setswana.

    Bokgaitsadie Wikipedia

    Wikipedia e kwalwa ke baithaopi gape e tshwerwe ke Wikimedia Foundation, komponi ye sa diring dipoelo e gape e tswereng diporojeke tse dingwe:

    Wikipedia ka diteme tse dingwe