Main Page

From Wikipedia
Jump to: navigation, search
Amogelesega mo Wikipedia,
Go na le di article di le 615.

Ensaetlolopedia Ya Mahala

Amogelesega mo Wikipedia, tirisanyommogo e maikaelelo a yone e leng go leka go ensaeklopidia ka diteme tsa mafatshe a a farologanyeng, mme ebile e sa sokamela ka letlhakoreng lepe e bile e dirisiwa ke mongwe le mongwe mo interneteng mahala. Wikipedia ga e duelelwe, e bile e ka dirisiwa go batla tlhaloso ya sepe fela kgotsa go tsenya sengwe, le go baakanya tse di setseng di tsentswe. Ka gore mongwe le mongwe o kgone go tsenya se a se batlang, Wikipedia ga e kake ya tshepisa ya gore se o tla se filthelang fa ke boammaaruri jo bo tletseng. O ka lekeletsa ka Sandbox. Tswana Wikipedia e, e na le di article di le 615. Go tsaya malebane go bona gore o ka kwala eng, o ka tlhola gore batho ba kopile eng.

A o kile wa utlwa...

Dikoranta tse di kwadilweng

Marekisetso a a rekisang merogo kwa United States.

Lefoko merogo le raya senngwe se se jegang e ka nna bontlha bongwe jwa setlhare kgotsa setlhare, mme go sa akarediwe dipeo gape le maungo. Se se raya matlhare, ditlhito, kgotsa medi ya ditlhare mme gape go akarediwe le dimela tse dingwe (jaaka squash).

Lefoko le ga le na leina la nnete le le tsepameng mo dithutong tsa biology; ka go rialo lefoko le le raya dilo tse di mmal culinary and cultural tradition. Sekai ke gore batho ba tsaya gore mabowale one ke merogo le fa e ntse e se ditlhatsana, fa bangwe bone ba a kgaoganya le dijo ka kakaretso.

Merogo e mngwe e kgona go jwewa e sa apewa, e menngwe yone e jewa e apeilwe, gape le e menngwe ke tshwanelo ya gore e jewe e apeilwe. Merogo gantsi e jewa e apeilwa bogolo jang e le seshabo kgotsa mo dijong tse di letswai. Le fa go ntse jalo merogo mnngwe e dirisiwa modijong tse di nang le sukirinyana, jaaka rhubarb pie le carrot cake. ►Read more

Dinepe tsa letsatsi 

Kgosi Seepapitso IV ( o tlhokafetse ka di 24 tsa kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa 2010) e ne e le kgosi ya morafe wa ga Ngwaketse mo Botswana. E ne e le morwa kgosi Kgosi Bathoen II mme o ne a tlhophiwa go etelela pele Ntlo ya Dikgosi dingwaga di le mmalwa gape e le mongwe wa dikgosi tse di neng di nale seriti ebile di tlotlwa fela thata mo Botswana. Rre Seepapitso o diretse lefatshe la gagwe gape e le moemedi kwa United States of America le kwa China.

E ne e le mogaka, e le Rraarona kwa Ntlong ya Dikgosi,mme ebile a ne a tlotla thata bogosi ka a ne a sa batle bogosi bo gatakiwa ka dinao.O ne a ngomolwa pelo ke diemo dingwe tse di neng di sa tlotle bogosi.Nako tsotlhe fa emelela a buisa morafe o ne a ngoka theetso ya setŝhaba. Jaaka a ne a direla Ntlo ya Dikgosi ka lobaka le ka nna dingwaga tse di masome a mararo o ne a sa buse fela, ka boeteledipele jwa ga Rre Seepapitso, Ntlo ya Dikgosi e ne e gakolola goromente wa puso ya lefatŝhe ka dikgang tse di neng di ama lefatshe ngwe tsa tsone di akaretsa :go tlosiwa ga Batswakwa ba ba senang teta ya go nna mo lefatsheng.

Wikipedia's sister projects